Matthew 8

Jesu o fodisa Molepero

1Bontsintsi jwa batho jwa sala Jesu mora-go fa a fologa mo mhapheng wa lentswe.

2Mme bonang! Molepero a atamela. A-khubama fa pele ga gagwe a obama a mo rapela a re, “Rra, fa o rata o ka mphodisa.”

3Mme Jesu a mo tshwara a mo raya a re “Ke a rata, fola.” Mme gone fela foo lepero la nyelela. 4Mme Jesu a mo raya a re, “O se ka wa bolelela ope; tlhamalalela kwa moperesiting go ya go tlhatlhojwa; mme o tlaa ntsha mpho e e batlwang ka molao wa ga Moshe wa balepero ba ba fodisitsweng, ebong bosupi jwa phatlhalatsa jwa gore o fodisitswe.”

5
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 8:6.
6
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 8:5-6.
Erile Jesu a goroga mo Kaperanama, mogolwane wa sesole sa Roma a tla kwa go ene mme a mo rapela go ya kwa lwapeng lwa gagwe go fodisa motlhanka wa gagwe wa mosimane yo o neng a le mo bolaong a bolawa ke bolwetse jwa teteselo a tlhoafaditswe ke setlhabi.

7Mme Jesu a mo fetola a re, “Ke tlaa tla go mo fodisa.” 8
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 8:9.
9
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 8:8-9.
Mme mogolwane a re, “Rra ga ke a lekana go go tseela kwa lwapeng lwa me gape ga go tlhokafale gore o tle. Fa o ka nna fela fa mme wa re, ‘Fola’, motlhanka wa me o tlaa fola! Ke a itse, ka gore ke ka fa tlase ga taolo ya baeteledipele ba me ba bagolo mme ke na le taolo mo masoleng a me, mme ke raya lengwe ke re, ‘Tsamaya’ mme le tsamaye, mme ke reye le lengwe ke re, ‘Tla’ mme le tle, mme ke reye motlhanka wa me wa mosimane ke re, ‘Dira se kgotsa sele’ mme a se dire. Mme ke itse gore o na le thata ya go raya bolwetse jwa gagwe o re bo tsamaye mme bo tlaa tsamaya.”

10Jesu a nna foo a akabetse! Mme a retologela kwa bontsintsing jwa batho a re, “Ga ke ise ke ke ke bone tumelo e e tshwanang le e mo Iseraele! 11Mme ke lo bolelela se, Badichaba ba le bantsi jaaka mogolwane yo wa Roma, ba tlaa tswa mo tikologong yotlhe ya lefatshe ba nna fa fatshe mo Bogosing jwa Legodimo le Aberahame, Isake le Jakobe. 12Baiseraele ba le bantsi ba ba neng ba baakanyeditswe Bogosi, ba tlaa lelekelwa mo lefifing le le kwa ntle, mo felong ga selelo le tlhokofatso”. 13Hong Jesu a raya mogolwane wa Roma a re, “Tsamaya o ye lwapeng. Se o se dumetseng se diragetse!” Mme mosimane a fola ka yone nako eo.

Jesu o fodisa batho ba bantsi

14Erile Jesu a goroga kwa tlung ya ga Petere, mogwagwadia Petere wa mosadi o ne a le mo bolaong a tshwere ke letshoroma. 15Mme erile fa Jesu a tshwara lebogo la gagwe, letshoroma la mo tlogela; mme a ema a ba baakanyetsa dijo.

16Mo maitseboeng ao batho ba le bantsi ba ba neng ba tsenywe ke mewa e e maswe ba leriwe kwa go Jesu; mme ya re a bua lefoko le le lengwe; mewa e e maswe yotlhe ya sia; mme botlhe ba ba neng ba lwala ba fola. 17Mo ga diragatsa seporofeso sa ga Isaia se se reng, “O na a tsaya malwetse a rona, a rwala dipobolo tsa rona.”

18Fa Jesu a lemoga ka fa bontsintsi jwa batho bo neng bo gola ka teng, o na a laela barutwa ba gagwe gore ba ipaakanyetse go kgabaganyetsa ntlheng e nngwe ya lecha.

19Ka yone nako eo mongwe wa baruti ba tumelo ya Sejuda a mo raya a re, “Moruti, ke tlaa go sala morago, ga gore sepe gore o ya kae!” 20Mme Jesu a re, “Bophokoje ba na le mesima le dinonyane di na le dintlhaga, mme nna Morwa Motho, ga ke na legae le e leng la me, ga go na fa nka latsang tlhogo gone.”

21Mongwe wa barutwa ba gagwe a re, “Morena, mma ke tsamaye pele ke ye go fitlha rre.”

22Mme Jesu a mo raya a re, “Ntshala morago! Lesa ba ba suleng mo moweng ba tlhokomele baswi ba bone.”

Jesu o didimatsa diphefo

23Mme a tsena mo mokorong a simolola go kgabaganya lecha le barutwa ba gagwe. 24Ka tshoganyetso ga tsoga setsuatsue se segolo, makhubu a goletsegile go feta mokoro. Mme Jesu o ne a robetse. 25Barutwa ba ya kwa go ene ba feta ba mo tsosa, ba gowa ba re, “Morena, re boloke! Re a nwela!”

26Mme Jesu a ba raya a re, “Ao batho ba tumelo e potlana! Ke eng fa lo tshogile jaana?” Hong a ema a kgalemela phefo le makhubu, mme ga nna tuulalo e kgolo.

27Barutwa ba nna fela foo ba reregile! ba botsanya ba re, “Motho yo ke mang, yo le e leng diphefo tota le lewatle di mo reetsang?”

Jesu o koba mewa e e maswe

28Erile ba goroga ka fa ntlheng e nngwe ya lecha mo lefatshing la Bagadara, banna ba le babedi ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe ba mo kgatlhantsha. Ba ne ba nna mo diphupung ba le diphatsa thata mo motho ope o neng a ka se ka a ralala golo foo.

29Mme ba simolola go goela kwa go ene ba re, “O batlang mo go rona, wena Morwa Modimo? Ga o ise o nne le tshwanelo ya go re tlhokofatsa.” 30Serapa sa dikolobe se ne se fula kgakalanyana. 31Jalo mewa e e maswe ya kopa ya re fa o re “kgoromeletsa ntle re, lelekele mo serapeng sele sa dikolobe.”

32Jesu a e raya a re, “Go siame, tsamayang” mme ya tswa mo banneng ya tsena mo dikolobeng, mme serapa sotlhe sa kgokologa mo thoteng ka bofefo sa wela mo metsing kwa tlase. 33Mme badisa ba tsone ba sianela kwa motseng o o gaufi go ya go bolela kaga se se diragetseng. 34Mme batho botlhe ba motse ba sianela go tla go bona Jesu, ba mo kopa gore a tsamaye a ba tlogele ba le bosi.
Copyright information for TsnLEF